Article

Makgotlataolo a tlhoma mogopolo mo go rutweng ka leleme la ga Mme, FEDSAS e bua jalo

19/02/2018 - Fedsas


Mesola ya go nna le setšhaba sa dipuontsi ke ntlha e e itsegeng e le tota. Dipatlisiso di bontsha fa bokgoni jwa  go bua dipuo tse di fetang e le nngwe bo le mosola mo loagong le mo mothong  gammogo le mo go tsa seakatemi le tsa seporofešenale. Jaaka go tlaa bo go ketekwa Letsatsi la Lefatshe la Leleme la ga Mme ka la 21 Tlhakole, Mokgatlho wa Makgotlataolo a Dikolo tsa Aforikaborwa (Federation of Governing Bodies of South African Schools [FEDSAS]) a tlaa bo a tlhomile mogopolo mo thutong ya dipuontsi.
           
"Fa re bua ka thuto ya dipuontsi re kaya fa bana ba na le tshwanelo ya go itlhophela gore ba ka rata go rutwa ka puo efe. Kgatelelo ya  sepolotiki gantsi e re lebatsa fa thulaganyo  ya thuto ya Aforikaborwa e na le bopuontsi jaaka motheo wa yona – go setse go na le dikolo tse di rutang ka dipuo tsotlhe tse di lesomenngwe tsa semmuso,” go rialo Ngaka Jaco Deacon, Mothusa-Mokhuduthamaga wa FEDSAS.

Deacon a re kgwetlho ga se go nna teng ga thuto e e rutwang ka leleme la ga Mme, bogolo  ke go nna le  thuto ya boleng jo bo kwa godimo ka dipuo tsotlhe tsa semmuso di le lesomenngwe. “Pholisi ya dipuo ya sekolo ke yone fela lebaka la go bo batsadi le bana ba eletsa go tsena sekolo se se rileng. Tlhopho ya bone e theilwe mo goreng a thuto ke ya boleng jo bo kwa godimo. E re ka re tlhomile mogopolo wa rona mo thutong ya dipuontsi FEDSAS e batla go tlhalosa fa e le tiro ya bana-le-seabe go netefatsa fa go na le dikolo tsa maemo a a kwa godimo ka dipuo tsotlhe tsa semmuso. Eno ke yone fela tsela ya go netefatsa fa bana ba newa thuto ya boleng jo bo kwa godimo ka leleme la ga Mme."
           
Ditlhopho tsa  makgotlataolo a dikolo di tlile go tshwarwa mo kgweding e e tlang. Nngwe ya ditiro tsa lekgotlataolo la sekolo ke go tlhoma pholisi ya dipuo ya sekolo. "Fa batsadi le bana-le-seabe mo sekolong se se rileng sa botlhe ba akanya fa sekolo sa bone se se rute thuto ya boleng jo bo kwa godimo, ditlhopho tsa SGB di ba rebolela tšhono ya go nna le seabe. Mo boemong jwa go nna mo meleng ya  go romela bana kwa dikolong tsa boleng jo bo kwa godimo tse  ba tlaa rutwang ka puo e e seng puogae ya bona, bana-le-seabe ba ka netefatsa gore sekolo se se leng mo tikologong ya bone se fetoga go nna sa maemo a a kwa godimo."
           
Mo ntlheng eno, FEDSAS e nna le seabe sa botlhokwa sa go tlamela maloko a lekgotlataolo ka tsotlhe. Nngwe ya diporojeke tse dintsi tsa go netefatsa boleng jwa taolo ya sekolo ke go kaela  Makgotlataolo a sekolo. Kaelo e e dirisegang tota ya taolo ya sekolo e teng ka dipuo di le thataro, go akaretsa le Seesimane, Seaforikanse, Sesotho, Setswana, isiXhosa le isiZulu. E tlaa tloga e nna teng le ka dipuo tsotlhe di le lesomenngwe.
           
"Tshedimosetso e e mabapi le taolo ya  sekolo gantsi e na le go nna marara. Thuto ya boleng jo bo kwa godimo e tsamaelana  ka tlhamalalo le botsamaisi jwa boleng jo bo kwa godimo mme ke lone lebaka le FEDSAS e batlang go dira gore tshedimosetso eno e  fitlhelelwe ka moo go ka kgonegang ka gone," Deacon o bolela jalo.

Kaelo eno e na le dintlha-kakaretso ka bokhutshwane tse di botlhokwa ka ga go laolwa ga sekolo mme tseo ke dintlha tse di siametseng gore maloko a a sa tswang go tlhomiwa le a a ntseng a le teng a lekgotlataolo a a batlang go atolosa kitso le maitemogelo a bone ba simolole ka tsone.
  • Letsholo le le nang le tshedimosetso  ka kakaretso  la FEDSAS le le mabapi le ditlhopho tsa SGB le akaretsa go tlhamiwa ga diwebosaete di le pedi tse batsadi le bana-le-seabe ba bangwe ba ka bonang tshedimosetso mo go tsone ka ditlhopho le ka ga seabe sa lekgotlataolo. Diwebosaete tseno di ka bonwa mo www.schoolelections.co.za le www.lovemyschool.co.za 
  • Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga kaelo eno, tswee tswee etela  www.fedsas.org.za kgotsa leletsa nomore ya 051-522 6903.

Copyright FEDSAS 2024 | NPO Registration No. 128-598NPO | NWO-registrasienr 128-598NPO | Privacy Policy